Revelation of John 17

Mosadi wa seaka o palame Sebatana

1Mme mongwe wa baengele ba ba su pang ba ba neng ba tshololetse dipetso mo lefatsheng a tla a bua le nna. A re, “Ntshala morago, ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalelang seaka se se tumileng; se se ntseng mo godimo ga metse a mantsi a lefatshe. 2Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa akafala naso, le batho ba tagisitswe ke mofine wa boaka jwa sone.”

3Jalo moengele a ntsaya ke le mo moweng a nkisa kwa sekakeng. Teng koo ka bona mosadi a palame sebatana se se hibidu se se neng se na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome, se kwadilwe matlhapa gongwe le gongwe ka mafoko a a tlhapatsang Modimo. 4Mosadi yo o ne a apere diaparo tse di borokwa le bohibidu le manyena a mantle a a dirilweng ka gauta le majana a botlhokwa le ditalama, mme a bo a tshotse phafana ya gauta e tletse tse di makgapha, ebong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe.

5Mme ga bo go kwadilwe mo phatleng ya gagwe sesupo se se gakgamatsang se re, “Babelone yo Mogolo, Mmadiaka le wa Kobamelo ya Disetwa, gongwe le gongwe mo tikologong ya Lefatshe.”

6Ke ne ka bona gore o ne a tlhapetswe, a tlhapetswe ke madi a baswela tumelo ba ga Jesu ba a ba bolaileng. Ka mo tlhoma matlho ke tshogile thata.

7Mme moengele a botsa a re, “Ke eng fa o gakgametse jaana? Ke tlaa go bolelela gore mosadi yoo ke mang le gore sebatana se o se palamang se raya eng. 8Sebatana se se ne se tshela mme jaanong ga se tlhole se tshela. Le fa go ntse jalo se tlaa tloga se tswa mo moleting o o senang bolekanngo se ya kwa tatlhegong ya bosakhutleng; mme batho ba lefatshe, ba maina a bone a sa kwalwang mo Lokwalong lwa Botshelo pele ga tshimologo ya lefatshe, ba tlaa akabadiwa ke go tla ga sone, morago ga se sena go swa.

9“Mme jaanong akanya thata: ditlhogo tsa sone tse supa di emetse motse mongwe o o agilweng mo dithabeng di supa kwa mosadi yo o nnang teng. 10Gape di emetse dikgosi di supa. Tse tlhano di setse di ole, jaanong go busa ya borataro, mme ya bosupa e e tla, mme puso ya yone e tlaa nna ka lobakanyana. 11Sebatana se sehibidu se se suleng, ke kgosi ya boferabobedi, e e kileng ya busa pele e le nngwe ya tse di supang; morago ga puso ya sone ya bobedi, le sone se tlaa ya tatlhegong. 12Dinaka tsa sone tse some ke dikgosi tse some tse di iseng di amogele bogosi; di tlaa bewa mo bogosing jwa tsone ka lobaka lo lo khutshwane, go busa le sone sebatana. 13Tsotlhe di tlaa kwala tumalano ya go neela sebatana nonofo ya tsone le taolo. 14Tsotlhe di tlaa tlhabantsha Kwana, mme e tlaa di fenya, gonne ke Morena wa barena botlhe, le Kgosi ya dikgosi, mme batho ba gagwe ke ba ba biditsweng, ba ba tlhophilweng, e bile ke ba ba ikanyegang.

15“Mawatle, macha le melapo e mosadi o ntseng mo go yone e emetse boidiidi jwa batho jwa merafe yotlhe.

16“Mme sebatana se se hibidu le dinaka tsa sone tse some, tse di emetseng dikgosi tse some tse di tlaa busang naso, tsotlhe di tlaa ila mosadi, mme di tlaa mo tlhasela di mo tlogele a sa ikatega a bo a fisiwe ka molelo. 17Gonne Modimo o tlaa tsenya mo ditlhaloganyong tsa bone, leano le le tlaa tsweledisang maikaelelo a one: ba tlaa dumalana ka bongwe jwa pelo go naya sebatana se sehibidu taolo, gore mafoko a Modimo a tle a diragadiwe. 18Mosadi yo o mmonyeng mo ponatshegelong ya gago o emetse motse o mogolo o o busang dikgosi tsa lefatshe.”
Copyright information for TsnLEF